Daily Sun The SportsTalk in Setswana

The SportsTalk in Setswana

SunSport Editor Matthews Mpete hosts the SportsTalk
Weekly Setswana South Africa Soccer
27 Episodes
1 – 20

REETSA BORANOLODI BO TLHWATLHWA: GO TLILE GO NKGA GO SA BOLA!

Ke lekgetho la ntlha mo historing e diragala ntlha e ntseng jaana, e bile e ka nna lekgetho la bofelelo mo isagweng ya rona. Reetsa ga re leba leba mojago wa Mamelodi Sundowns le wa AmaZulu ga ba sianela go fitlha ko lefatsheng la Kanana ele bantlha.
2 May 2021 10 min

REETSA: LEANO LE KA THUSANG SAFA MO MAIDING A MOKATISI WA BAFANA

Nako dingwe monna o tshwanela ke go dira dilo tse seng maleba gore fela ba lapa gagwe ba seke ba robala ka tlala. Ke seo rona jaaka Ma-Afrika Borwa re eletsang go se dira jaaka Safa e goga dinao go bona mokatisi wa Bafana Bafana. Ke setlhopha sa naga, mme…
25 Apr 2021 8 min

REETSA: MMU WA SEKARA O WELA TLHAKORENG LEFE MO ISAGWENG YA ZINNBAUER?

Orlando Pirates e kgwathisitswe ka ntlha tse nne go elengwe (4-1) ke Mamelodi Sundowns mo Nedbank Cup, mme ketsaetsego ke entswi yaanong ko Soweto. A tatlhegelo e eka supa gore mmu wa sekara o wela tlhakoreng le feng mo isagweng ya mokatisi Josef Zinnbauer? Reetsa ga re e tlhatlhamolla kgang…
16 Apr 2021 12 min

REETSA: NTSEKI O AMOGETSE GORE O PALLETSWE JAAKA MOKATISI WA BAFANA

Molefi Ntseki, mokatisi wa Bafana Bafana, o tsere maikarabelo ka go amogela gore o foseditse naga ka gore Aforika Borwa ga ba phunyeletsa ko metshamekong ya 2022 Afcon. Seno ke morago ga go latlhegelwa ka ntlha tse pedi go lefela (2-0) kgatlhanong le naga ya Sudan ko Khartoum ka Latshipi…
29 Mar 2021 9 min

REETSA: MOTSEPE O BAYA SETLHAKO FATSHE GO DITAUTONA TSA CAF

LAMATLHATSO, 15 Mopitlwe 2021, e ntse letsatsi la ntlha la tautona e ncha ya CAF, Patrice Motsepe, go tsosolosa mokgatlho mogolo wa kgwele ya dinao ya Africa go retibatsa maikutlo. Ga ane a fana ka puo le di tautona tsa di confederation tse some a matlhano pedi (52) ba ba…
15 Mar 2021 13 min

SPORTSTALK: RE GAGOLANA KA MENO LE MOKATISI WA TTM JOEL MASUTHA

GO thunya lorole mo puisanong ya rona le mokatisi mogolo wa Tshakhuma FC, Joel Masutha, ga a atologa goya pele ka mathata a tsamayang a kopana le one kwa setlhopheng sa TTM, ebile o re alela phate gore ke maano afeng a batlang go a tsenya tirisong. Reetsa ka ga…
20 Jan 2021 14 min

REETSA: MATHEWS MPETE O TSENELELA KAMO KAMPENG YA CHIEFS!

Kaizer Chiefs ba ile go tsweletsa pele beke e thata e saleng ba e simolotse ka metshameko ya Caf Champions League foo ba ragetseng kwa thoko setlhopha sa Cameroon, Bamenda FC, mo mafelong a beke. Mme jaanong ba ile go rotolana matlho le Black Leopards mo metshamekong ya DStv Premiership…
8 Dec 2020 11 min

REETSA: MABAKA TOTA GORE BATSHAMIKI BA TTM BA KGANELE GOYA IKATISONG

Jaaka SunSport e go thankgolletse yona pele gore batshamiki ba Tshakhuma FC ba kganetse goya ikatisong ka Mosupulogo morago ga gore madi a bona a kgwedi asa duelwa, kgang eno e phunyeletsa boteng ba sebodu. Motswana o kile a bua gore ntja e senang lebelo e siiwa ke ke nong…
2 Dec 2020 10 min

SPORTS-TALK: BAFANA BA ITLHOKOMELA KGATLHANONG THE SAO TOME

Bafana Bafana bana le letsatsi le le kannang thata ga ba sa ikatega ga ba golagana le naga ya Sao Tome ePrincipe ele ga ba itekella go punyelletsa go tsena ko makgaolakganyeng a 2022 Afcon ko Cameroon. Leeto la ko Nelson Mandela Stadium le ka ba ketefallang ga fela ba…
16 Nov 2020 7 min

SPORTS-TALK: MABAKA A LESOME (10) CHIEFS E GAGOTSWE LETLALO KE PIRATES!

Ntse go kitla go nna bonolo gore Kaizer Chiefs e fete ka bonolo kgatlhanong le setlhopha se se ikemiseditseng sa selebo sa Orlando Pirates. Ba gagokantse Chiefs letlalo ka nno tse 5-0 ka kakaretso mo magatong a mabedi (3-0 le 2-0). Re go neela mabaka a lesome ao re naganang…
9 Nov 2020 8 min

SPORTS-TALK: TINKLER OKA FA TLASE GA TWEBETWEBE YA MATHATA

KE fela sebaka sa metshameko a mmalwa pele ga mokatisi wa Maritzburg United Eric Tinkler a iphitlhela asena tiro. Modulasetulo wa setlhopha se, Farook Kadodia, mo nakong esa fedising pele aka rema ka selepe. Maritzburg e tsamaile metshameko a ballwang go e lesome ba sa bone phenyo, mme se sona…
4 Nov 2020 9 min

SPORTS-TALK: HUNT O KGALEMA BILLIAT KA BOGALE!

Mokatisi wa setlhopha sa Kaizer Chiefs, Gavin Hunt, o ntse a tsutsubantse phatlha a kgalema ka bogale Khama Billiat gore a tlogele go itira Kaizer Chiefs le ge a ntse ana le batshamiki ka ena. Hunt o boleletse Billiat gore a ithute go tshameka jaaka setlhopha. O tsibusitse gape gore…
28 Oct 2020 13 min

SETSWANA SPORTS-TALK: MNGQITHI WA TSIBOGA KA MAGATWE A GEORGE MALULEKA

Mokwetlisi wa Mamelodi Sundowns, Manqoba Mngqithi, o tsibogile ka bogale magatwe aga George Maluleka a gore setlhopha se batla go adimisana ka ena ka ese karolo ya maano a setlhopha mo setlheng seno. O tsiboga jaana morago ga go thulantsha setlhopha sa Kaizer Chiefs le mabota mo madibogong a setha…
26 Oct 2020 14 min
1 – 20